Qari
Murottal Audio
تَبٰرَكَ الَّذِيْ بِيَدِهِ الْمُلْكُۖ وَهُوَ عَلٰى كُلِّ شَيْءٍ قَدِيْرٌۙ
tabārakal-lażī biyadihil-mulk(u), wa huwa ‘alā kulli syai'in qadīr(un).
Kgalalelo e nne go Allah yo o laolang (tsotlhe) magosi, mme ke Mothatayotlhe mo go sengwe le sengwe.
ۨالَّذِيْ خَلَقَ الْمَوْتَ وَالْحَيٰوةَ لِيَبْلُوَكُمْ اَيُّكُمْ اَحْسَنُ عَمَلًاۗ وَهُوَ الْعَزِيْزُ الْغَفُوْرُۙ
allażī khalaqal-mauta wal-ḥayāta liyabluwakum ayyukum aḥsanu ‘amalā(n), wa huwal-‘azīzul-gafūr(u).
Yo o tlhodileng loso le botshelo, go le leka, gore ke ofe wa lona yo o botoka mo ditirong. Mme Ke Mothatayotlhe, Moitshwarelo.
الَّذِيْ خَلَقَ سَبْعَ سَمٰوٰتٍ طِبَاقًاۗ مَا تَرٰى فِيْ خَلْقِ الرَّحْمٰنِ مِنْ تَفٰوُتٍۗ فَارْجِعِ الْبَصَرَۙ هَلْ تَرٰى مِنْ فُطُوْرٍ
allażī khalaqa sab‘a samāwātin ṭibāqā(n), mā tarā fī khalqir-raḥmāni min tafāwut(in), farji‘il-baṣara hal tarā min fuṭūr(in).
Ya bopileng mahodimo a supileng ka mekgahlelo. Ga o kitla o bona sepe se se sa lekalekanang mo popong ya Modimo yo o Kutlwelobotlhoko. Ka jalo leba gape, a o bona sengwe se se phoso?
ثُمَّ ارْجِعِ الْبَصَرَ كَرَّتَيْنِ يَنْقَلِبْ اِلَيْكَ الْبَصَرُ خَاسِئًا وَّهُوَ حَسِيْرٌ
Ṡummarji‘il-baṣara karrataini yanqalib ilaikal-baṣaru khāsi'aw wa huwa ḥasīr(un).
Go tswa foo boeletsa (tebo ya gago) gape (le) gangwe gape, ruri tebo ya gago e tla boela kwa go wena e sa fitlhele diphoso dipe mme yone (tebo ya gago) e le mo seemong se se lapileng.
وَلَقَدْ زَيَّنَّا السَّمَاۤءَ الدُّنْيَا بِمَصَابِيْحَ وَجَعَلْنٰهَا رُجُوْمًا لِّلشَّيٰطِيْنِ وَاَعْتَدْنَا لَهُمْ عَذَابَ السَّعِيْرِ
wa laqad zayyannas-samā'ad-dun-yā bimaṣābīḥa wa ja‘alnāhā rujūmal lisy-syayāṭīni wa a‘tadnā lahum ‘ażābas-sa‘īr(i).
Mme eleruri, Re kgabisitse magodimo a a gaufi ka dinaledi mme Re di dirile (dinaledi) jaaka didirisiwa tsa go latlhela bodimona, mme Re di baakanyeditse kotlhao ya dihele tse di tukang.
وَلِلَّذِيْنَ كَفَرُوْا بِرَبِّهِمْ عَذَابُ جَهَنَّمَۗ وَبِئْسَ الْمَصِيْرُ
wa lil-lażīna kafarū birabbihim ‘ażābu jahannam(a), wa bi'sal-maṣīr(u).
Mme ba ba sa dumeleng mo Moreneng wa bone ba tla bona kotlhao ya Dihele. Mme ke lefelo le le maswe go gaisa go boela kwa go lone.
اِذَآ اُلْقُوْا فِيْهَا سَمِعُوْا لَهَا شَهِيْقًا وَّهِيَ تَفُوْرُۙ
iżā ulqū fīhā sami‘ū lahā syahīqaw wa hiya tafūr(u).
Fa ba ne ba latlhelwa mo go yone ba utlwa medumo e e boitshegang ya dihele, fa e ntse e tuka, .
تَكَادُ تَمَيَّزُ مِنَ الْغَيْظِۗ كُلَّمَآ اُلْقِيَ فِيْهَا فَوْجٌ سَاَلَهُمْ خَزَنَتُهَآ اَلَمْ يَأْتِكُمْ نَذِيْرٌۙ
takādu tamayyazu minal-gaiẓ(i), kullamā ulqiya fīhā faujun sa'alahum khazanatuhā alam ya'tikum nażīr(un).
a batla a thunya ka bogale. Nako le nako fa setlhopha (sa baheitane) se latlhelwa mo go yone, balebedi (ba dihele) ba ba botsa ba re, "A ga go ope yo o kileng a tla go lo tlhagisa (mo lefatsheng)?"
قَالُوْا بَلٰى قَدْ جَاۤءَنَا نَذِيْرٌ ەۙ فَكَذَّبْنَا وَقُلْنَا مَا نَزَّلَ اللّٰهُ مِنْ شَيْءٍۖ اِنْ اَنْتُمْ اِلَّا فِيْ ضَلٰلٍ كَبِيْرٍ
qālū balā qad jā'anā nażīr(un), fa każżabnā wa qulnā mā nazzalallāhu min syai'(in), in antum illā fī ḍalālin kabīr(in).
Ba araba ba re: "Ee, eleruri, motlhagisi o tlile kwa go rona, mme re ne ra mo latola mme ra re: "Allah ga a senola sepe, tota o mo phosong e kgolo."
وَقَالُوْا لَوْ كُنَّا نَسْمَعُ اَوْ نَعْقِلُ مَا كُنَّا فِيْٓ اَصْحٰبِ السَّعِيْرِ
wa qālū lau kunnā nasma‘u au na‘qilu mā kunnā fī aṣḥābis-sa‘īr(i).
Mme ba re, "Fa (pele) re ka bo re reeditse kgotsa re akantse ka (tlhagiso) re ka bo re se mo gare ga banni ba molelo o o tukang wa Dihele."
فَاعْتَرَفُوْا بِذَنْۢبِهِمْۚ فَسُحْقًا لِّاَصْحٰبِ السَّعِيْرِ
fa‘tarafū biżambihim, fasuḥqal li'aṣḥābis-sa‘īr(i).
Ka jalo ba ne ba ipolela boleo jwa bone. Mme kgakala (go tswa mo boutlwelobotlhokong jwa ga Allah) ke banni ba dihele tse di tukang.
اِنَّ الَّذِيْنَ يَخْشَوْنَ رَبَّهُمْ بِالْغَيْبِ لَهُمْ مَّغْفِرَةٌ وَّاَجْرٌ كَبِيْرٌ
innal-lażīna yakhsyauna rabbahum bil-gaibi lahum magfiratuw wa ajrun kabīr(un).
Eleruri, ba ba boifang Morena wa bone, yo o sa bonaleng mo go bone, ba tla bona boitshwarelo le tuelo e kgolo.
وَاَسِرُّوْا قَوْلَكُمْ اَوِ اجْهَرُوْا بِهٖۗ اِنَّهٗ عَلِيْمٌ ۢبِذَاتِ الصُّدُوْرِ
wa asirrū qaulakum awijharū bih(ī), innahū ‘alīmum biżātiṣ-ṣudūr(i).
Mme o boloke mafoko a gago e le sephiri kgotsa o a itsise. Eleruri, ke Moitse-Tsotlhe wa dipelo tsotlhe.
اَلَا يَعْلَمُ مَنْ خَلَقَۗ وَهُوَ اللَّطِيْفُ الْخَبِيْرُ ࣖ
alā ya‘lamu man khalaq(a), wa huwal-laṭīful-khabīr(u).
A go (tshwanetse) gore Allah yo o e bopileng ga a itse? Mme ke Ene yo o Boferefere go gaisa, yo o Itseng tsotlhe.
هُوَ الَّذِيْ جَعَلَ لَكُمُ الْاَرْضَ ذَلُوْلًا فَامْشُوْا فِيْ مَنَاكِبِهَا وَكُلُوْا مِنْ رِّزْقِهٖۗ وَاِلَيْهِ النُّشُوْرُ
huwal-lażī ja‘ala lakumul-arḍa żalūlan famsyū fī manākibihā wa kulū mir rizqih(ī), wa ilaihin-nusyūr(u).
Ke Ene yo o dirileng lefatshe gore le nne bonolo go le sekaseka, ka jalo sekaseka dikhutlo tsotlhe tsa lone mme o je dingwe tsa dijo tsa gagwe. Mme ke ene fela o tla (boelang morago ga) go tsosiwa.
ءَاَمِنْتُمْ مَّنْ فِى السَّمَاۤءِ اَنْ يَّخْسِفَ بِكُمُ الْاَرْضَ فَاِذَا هِيَ تَمُوْرُۙ
a'amintum man fis-samā'i ay yakhsifa bikumul-arḍa fa'iżā hiya tamūr(u).
A o ikutlwa o babalesegile, gore Ene yo o kwa legodimong ga a kitla a dira gore o komediwe ke lefatshe fa ka tshoganyetso le tshikhinyega?
اَمْ اَمِنْتُمْ مَّنْ فِى السَّمَاۤءِ اَنْ يُّرْسِلَ عَلَيْكُمْ حَاصِبًاۗ فَسَتَعْلَمُوْنَ كَيْفَ نَذِيْرِ
am amintum man fis-samā'i ay yursila ‘alaikum ḥāṣibā(n), fa sata‘lamūna kaifa nażīr(i).
Kana a o ikutlwa o babalesegile, gore Ene yo o kwa legodimong ga a kitla a go romela setsuatsue sa matlapa? Mme moragonyana o tla itse gore (ditlamorago tsa go itatola) tlhagiso ya me ke eng.
وَلَقَدْ كَذَّبَ الَّذِيْنَ مِنْ قَبْلِهِمْ فَكَيْفَ كَانَ نَكِيْرِ
wa laqad każżabal-lażīna min qablihim fakaifa kāna nakīr(i).
Mme eleruri, ba ba neng ba le teng pele ga bone le bone ba ne ba latola (barongwa ba Gagwe). Ka jalo bogale jwa Me bo bogolo jang!
اَوَلَمْ يَرَوْا اِلَى الطَّيْرِ فَوْقَهُمْ صٰۤفّٰتٍ وَّيَقْبِضْنَۘ مَا يُمْسِكُهُنَّ اِلَّا الرَّحْمٰنُۗ اِنَّهٗ بِكُلِّ شَيْءٍۢ بَصِيْرٌ
awalam yarau ilaṭ-ṭairi fauqahum ṣāffātiw wa yaqbiḍn(a), mā yumsikuhunna illar-raḥmān(u), innahū bikulli syai'im baṣīr(un).
A ga di bone dinonyane tse di fa godimo ga tsone, di phutholola diphuka tsa tsone di bo di di tswala? Ga go ope yo o di tshwarang (mo moweng) fa e se Mopelotlhomogi yo Mogolo. Eleruri, O Bona dilo tsotlhe.
اَمَّنْ هٰذَا الَّذِيْ هُوَ جُنْدٌ لَّكُمْ يَنْصُرُكُمْ مِّنْ دُوْنِ الرَّحْمٰنِۗ اِنِ الْكٰفِرُوْنَ اِلَّا فِيْ غُرُوْرٍۚ
am man hāżal-lażī huwa jundul lakum yanṣurukum min dūnir-raḥmān(i), inil-kāfirūna illā fī gurūr(in).
Kgotsa ke mang yo o tla nnang moamogedi wa gago, a go sireletsa fa e se Mopelotlhomogi yo Mogolo? Baheitane ba mo (boemong jwa) tsietso fela.
اَمَّنْ هٰذَا الَّذِيْ يَرْزُقُكُمْ اِنْ اَمْسَكَ رِزْقَهٗ ۚ بَلْ لَّجُّوْا فِيْ عُتُوٍّ وَّنُفُوْرٍ
am man hāżal-lażī yarzuqukum in amsaka rizqah(ū), bal lajjū fī ‘utuwwiw wa nufūr(in).
Kana ke mang yo o ka go tlamelang fa A ka go thibela tlamelo ya Gagwe? Go na le moo, ba ganelela mo boikgogomosong mme ba ikatoganya (le boammaaruri).
اَفَمَنْ يَّمْشِيْ مُكِبًّا عَلٰى وَجْهِهٖٓ اَهْدٰىٓ اَمَّنْ يَّمْشِيْ سَوِيًّا عَلٰى صِرَاطٍ مُّسْتَقِيْمٍ
afamay yamsyī mukibban ‘alā wajhihī ahdā ammay yamsyī sawiyyan ‘alā ṣirāṭim mustaqīm(in).
A yo o gagabang a lebile fa fatshe o kaelwa botoka (ka tshiamo) kgotsa yo o tsamayang a nitame mo tseleng e e tlhamaletseng?
قُلْ هُوَ الَّذِيْٓ اَنْشَاَكُمْ وَجَعَلَ لَكُمُ السَّمْعَ وَالْاَبْصَارَ وَالْاَفْـِٕدَةَۗ قَلِيْلًا مَّا تَشْكُرُوْنَ
qul huwal-lażī ansya'akum wa ja‘ala lakumus-sam‘a wal-abṣāra wal-af'idah(ta), qalīlam mā tasykurūn(a).
E re, "Ke Ene yo o go bopileng mme a go naya kutlo, pono le segakolodi. Ga o leboge go le kalo."
قُلْ هُوَ الَّذِيْ ذَرَاَكُمْ فِى الْاَرْضِ وَاِلَيْهِ تُحْشَرُوْنَ
qul huwal-lażī żara'akum fil-arḍi wa ilaihi tuḥsyarūn(a).
E re, "Ke Ene yo o dirang gore lo ntsifale mo lefatsheng, mme lo tla phuthelwa kwa go Ene."
وَيَقُوْلُوْنَ مَتٰى هٰذَا الْوَعْدُ اِنْ كُنْتُمْ صٰدِقِيْنَ
wa yaqūlūna matā hāżal-wa‘du in kuntum ṣādiqīn(a).
Mme ba re: "Matshosetsi a a tla tla leng fa lo bua boammaaruri?"
قُلْ اِنَّمَا الْعِلْمُ عِنْدَ اللّٰهِ ۖوَاِنَّمَآ اَنَا۠ نَذِيْرٌ مُّبِيْنٌ
qul innamal-‘ilmu ‘indallāh(i), wa innamā ana nażīrum mubīn(un).
E re (O Muhammad), "Ee ruri, kitso (ya Ura) e mo go Allah fela. Ke motlhagisi yo o tlhamaletseng fela."
فَلَمَّا رَاَوْهُ زُلْفَةً سِيْۤـَٔتْ وُجُوْهُ الَّذِيْنَ كَفَرُوْا وَقِيْلَ هٰذَا الَّذِيْ كُنْتُمْ بِهٖ تَدَّعُوْنَ
falammā ra'auhu zulfatan sī'at wujūhul-lażīna kafarū wa qīla hāżal-lażī kuntum bihī tadda‘ūn(a).
Ka jalo fa ba bona kotlhao (ya Ura) e atamela, difatlhego tsa baheitane di tla nna lefifi. Mme go tlaa bolelwa (mo go bone), "Se ke se lo neng lo se kopa."
قُلْ اَرَءَيْتُمْ اِنْ اَهْلَكَنِيَ اللّٰهُ وَمَنْ مَّعِيَ اَوْ رَحِمَنَاۙ فَمَنْ يُّجِيْرُ الْكٰفِرِيْنَ مِنْ عَذَابٍ اَلِيْمٍ
qul ara'aitum in ahlakaniyallāhu wa mam ma‘iya au raḥimanā, famay yujīrul-kāfirīna min ‘ażābin alīm(in).
E re (Muhammad), "A o itse gore fa Allah a ka mpolaya le ba ba nang le nna kgotsa a re naya kutlwelobotlhoko, (foo re tla tsena mo Paradaiseng), ke mang yo o ka sireletsang baheitane mo kotlhaong e e botlhoko?"
قُلْ هُوَ الرَّحْمٰنُ اٰمَنَّا بِهٖ وَعَلَيْهِ تَوَكَّلْنَاۚ فَسَتَعْلَمُوْنَ مَنْ هُوَ فِيْ ضَلٰلٍ مُّبِيْنٍ
qul huwar-raḥmānu āmannā bihī wa ‘alaihi tawakkalnā, fasata‘lamūna man huwa fī ḍalālim mubīn(in).
E re, "Ke Moutlwelobotlhoko, re dumela mo go ene mme re baya tshepo ya rona mo go ene. Foo letsatsi lengwe o tla itse gore ke mang yo o mo phosong e e bonalang sentle."
قُلْ اَرَءَيْتُمْ اِنْ اَصْبَحَ مَاۤؤُكُمْ غَوْرًا فَمَنْ يَّأْتِيْكُمْ بِمَاۤءٍ مَّعِيْنٍ ࣖ
qul ara'aitum in aṣbaḥa mā'ukum gauran famay ya'tīkum bimā'im ma‘īn(in).
E re (Muhammad), "Ntlhalosetse fa metswedi ya gago ya metsi e oma; ke mang yo o tla go nayang metsi a a elelang?"