يٰٓاَيُّهَا النَّاسُ اعْبُدُوْا رَبَّكُمُ الَّذِيْ خَلَقَكُمْ وَالَّذِيْنَ مِنْ قَبْلِكُمْ لَعَلَّكُمْ تَتَّقُوْنَۙ
yā ayyuhan-nāsu‘budū rabbakumul-lażī khalaqakum wal-lażīna min qablikum la‘allakum tattaqūn(a).
Oho bathong! Obamela Morena wa lona yo o lo bopileng le ba ba neng ba le pele ga lona, gore lo tle lo fitlhelele poifomodimo.
وَأْمُرْ اَهْلَكَ بِالصَّلٰوةِ وَاصْطَبِرْ عَلَيْهَاۗ لَا نَسْـَٔلُكَ رِزْقًاۗ نَحْنُ نَرْزُقُكَۗ وَالْعَاقِبَةُ لِلتَّقْوٰى
wa'mur ahlaka biṣ-ṣalāti waṣṭabir ‘alaihā, lā nas'aluka rizqā(n), naḥnu narzuquk(a), wal-‘āqibatu lit-taqwā.
Mme o laele ba lelapa la gago go dira dithapelo mme o nne pelotelele mo go di direng. Ga re go kope dijo, Ke rona re go fang dijo. Mme ditlamorago (tse di molemo mo botshelong jwa morago ga loso) ke tsa batho ba ba boifang Modimo.
اَفَحَسِبْتُمْ اَنَّمَا خَلَقْنٰكُمْ عَبَثًا وَّاَنَّكُمْ اِلَيْنَا لَا تُرْجَعُوْنَ
afa ḥasibtum annamā khalaqnākum ‘abaṡaw wa annakum ilainā lā turja‘ūn(a).
A ka nako eo o ne o akanya gore Re go bopile mo motshamekong (kwantle ga maikaelelo ape) le gore ga o kitla o busediwa kwa go Rona?
وَمَا خَلَقْتُ الْجِنَّ وَالْاِنْسَ اِلَّا لِيَعْبُدُوْنِ
wa mā khalaqtul-jinna wal-insa illā liya‘budūn(i).
Ga ke a bopa di-jinn le batho mme ke gore ba Nkobamele.
وَمَآ اُمِرُوْٓا اِلَّا لِيَعْبُدُوا اللّٰهَ مُخْلِصِيْنَ لَهُ الدِّيْنَ ەۙ حُنَفَاۤءَ وَيُقِيْمُوا الصَّلٰوةَ وَيُؤْتُوا الزَّكٰوةَ وَذٰلِكَ دِيْنُ الْقَيِّمَةِۗ
wa mā umirū illā liya‘budullāha mukhliṣīna lahud-dīn(a), ḥunafā'a wa yuqīmuṣ-ṣalāta wa yu'tuz-zakāta wa żālika dīnul-qayyimah(ti).
Mme ba ne ba laelwa fela go obamela Allah, go nna boammaaruri mo go Ene mo bodumeding, le go tlhoma thapelo le go ntsha zakah, mme seo ke bodumedi jo bo tlhamaletseng.