وَاٰخَرُوْنَ مُرْجَوْنَ لِاَمْرِ اللّٰهِ اِمَّا يُعَذِّبُهُمْ وَاِمَّا يَتُوْبُ عَلَيْهِمْۗ وَاللّٰهُ عَلِيْمٌ حَكِيْمٌ
wa ākharūna murjaunal li'amrillāhi immā yu‘ażżibuhum wa immā yatūbu ‘alaihim, wallāhu ‘alīmun ḥakīm(un).
Mme go na le (gape) batho ba bangwe ba ba emisitsweng go fitlha Allah a swetsa; gongwe Allah o tla ba otlhaya mme gongwe Allah o tla amogela go ikwatlhaya ga bone. Allah ke Moitse-Tsotlhe, O Botlhale-Tsotlhe.
وَّعَلَى الثَّلٰثَةِ الَّذِيْنَ خُلِّفُوْاۗ حَتّٰٓى اِذَا ضَاقَتْ عَلَيْهِمُ الْاَرْضُ بِمَا رَحُبَتْ وَضَاقَتْ عَلَيْهِمْ اَنْفُسُهُمْ وَظَنُّوْٓا اَنْ لَّا مَلْجَاَ مِنَ اللّٰهِ اِلَّآ اِلَيْهِۗ ثُمَّ تَابَ عَلَيْهِمْ لِيَتُوْبُوْاۗ اِنَّ اللّٰهَ هُوَ التَّوَّابُ الرَّحِيْمُ ࣖ
wa ‘alaṡ-ṡalāṡatil-lażīna khullifū, ḥattā iżā ḍāqat ‘alaihimul-arḍu bimā raḥubat wa ḍāqat ‘alaihim anfusuhum wa ẓannū allā malja'a minallāhi illā ilaih(i), ṡumma tāba ‘alaihim liyatūbū, innallāha huwat-tawwābur-raḥīm(u).
le go ya kwa bathong ba bararo ba ba neng ba setse kwa morago. Go fitlha fa lefatshe le ne le lebega le le tshesane mo go bone, le fa lefatshe le ne le bulegile mme mewa ya bone le yone e ne e ikutlwa (le yone e ne e ikutlwa) e le tshesane mo go bone, mme ba ne ba itse gore ga go na go falola (pogiso ya ga) Allah, mme e le mo go Ene fela, ke gone Allah o neng a amogela boikwatlhao jwa bone gore ba nne mo boikwatlhaong jwa bone. Eleruri, Allah ke Moamogedi yo mogolo wa boikwatlhao, yo o kutlwelobotlhoko.
وَالَّذِيْنَ يَرْمُوْنَ اَزْوَاجَهُمْ وَلَمْ يَكُنْ لَّهُمْ شُهَدَاۤءُ اِلَّآ اَنْفُسُهُمْ فَشَهَادَةُ اَحَدِهِمْ اَرْبَعُ شَهٰدٰتٍۢ بِاللّٰهِ ۙاِنَّهٗ لَمِنَ الصّٰدِقِيْنَ
wal-lażīna yarmūna azwājahum wa lam yakul lahum syuhadā'u illā anfusuhum fa syahādatu aḥadihim arba‘u syahādātim billāh(i), innahū laminaṣ-ṣādiqīn(a).
Mme bao ba latofatsang basadi ba bone (ka boaka), le fa ba sena basupi ba bangwe fa e se bone, foo bosupi jwa motho mongwe le mongwe ke go ikana makgetlo a le manè ka (leina la) Allah, gore eleruri ke mongwe wa ba ba buang boammaaruri.
وَالْخَامِسَةُ اَنَّ لَعْنَتَ اللّٰهِ عَلَيْهِ اِنْ كَانَ مِنَ الْكٰذِبِيْنَ
wal-khāmisatu anna la‘natallāhi ‘alaihi in kāna minal-kāżibīn(a).
Mme ya botlhano (kano) ke gore phutso ya ga Allah e tla mo wela, fa e le mongwe wa ba ba buang maaka.
وَيَدْرَؤُا عَنْهَا الْعَذَابَ اَنْ تَشْهَدَ اَرْبَعَ شَهٰدٰتٍۢ بِاللّٰهِ اِنَّهٗ لَمِنَ الْكٰذِبِيْنَ ۙ
wa yadra'u ‘anhal-‘ażāba an tasyhada arba‘a syahādātim billāhi innahū laminal-kāżibīn(a).
Mme mosadi o tla falola kotlhao fa a ka ikana makgetlo a le manè ka (leina la) Allah gore ene (monna wa gagwe) ke mongwe wa ba ba buang maaka ka boammaaruri, .
وَالْخَامِسَةَ اَنَّ غَضَبَ اللّٰهِ عَلَيْهَآ اِنْ كَانَ مِنَ الصّٰدِقِيْنَ
wal-khāmisata anna gaḍaballāhi ‘alaihā in kāna minaṣ-ṣādiqīn(a).
le ya botlhano (kano) ya gore bogale jwa ga Allah bo tla wela mo go ene (mosadi), fa ene (monna wa gagwe) e le mongwe wa ba ba buang boammaaruri.