يٰٓاَيُّهَا الَّذِيْنَ اٰمَنُوْٓا اِنَّمَا الْخَمْرُ وَالْمَيْسِرُ وَالْاَنْصَابُ وَالْاَزْلَامُ رِجْسٌ مِّنْ عَمَلِ الشَّيْطٰنِ فَاجْتَنِبُوْهُ لَعَلَّكُمْ تُفْلِحُوْنَ
yā ayyuhal-lażīna āmanū innamal-khamru wal-maisiru wal-anṣābu wal-azlāmu rijsum min ‘amalisy-syaiṭāni fajtanibūhu la‘allakum tufliḥūn(a).
O lona ba dumelang! Eleruri, go nwa bojalwa, go betšha, (go ntshetsa) medingwana ditlhabelo, le go goga dikhumo tse dintsi ka metswi, ke ditiro tse di makgapha e bile di gareng ga ditiro tsa ga Satane. Ka jalo nna kgakala le (ditiro) tseo gore o tle o nne lesego.
وَلَا تَطْرُدِ الَّذِيْنَ يَدْعُوْنَ رَبَّهُمْ بِالْغَدٰوةِ وَالْعَشِيِّ يُرِيْدُوْنَ وَجْهَهٗ ۗمَا عَلَيْكَ مِنْ حِسَابِهِمْ مِّنْ شَيْءٍ وَّمَا مِنْ حِسَابِكَ عَلَيْهِمْ مِّنْ شَيْءٍ فَتَطْرُدَهُمْ فَتَكُوْنَ مِنَ الظّٰلِمِيْنَ
wa lā taṭrudil-lażīna yad‘ūna rabbahum bil-gadāti wal-‘asyiyyi yurīdūna wajhah(ū), mā ‘alaika min ḥisābihim min syai'iw wa mā min ḥisābika ‘alaihim min syai'in fa taṭrudahum fa takūna minaẓ-ẓālimīn(a).
O se ka wa leleka ba ba bitsang Morena wa bone mo mosong le mo maitseboeng, ba solofela go itumedisa ga gagwe. Ga o rwale maikarabelo a mannye ka ditiro tsa bone mme le bone ga ba rwale maikarabelo a mannye ka ditiro tsa gago, ke ka moo wena (o nang le tshwanelo) ya go ba leleka, gore o nne mo gare ga badiraphoso.
يَسْـَٔلُوْنَكَ عَنِ الْاَنْفَالِۗ قُلِ الْاَنْفَالُ لِلّٰهِ وَالرَّسُوْلِۚ فَاتَّقُوا اللّٰهَ وَاَصْلِحُوْا ذَاتَ بَيْنِكُمْ ۖوَاَطِيْعُوا اللّٰهَ وَرَسُوْلَهٗٓ اِنْ كُنْتُمْ مُّؤْمِنِيْنَ
yas'alūnaka ‘anil-anfāl(i), qulil-anfālu lillāhi war-rasūl(i), fattaqullāha wa aṣliḥū żāta bainikum, wa aṭī‘ullāha wa rasūlahū in kuntum mu'minīn(a).
Ba go botsa (Muhammad) ka (kabo ya) thopo ya ntwa. E re, "Thopo ya ntwa ke ya ga Allah le Morongwa (go ya ka dipeelo tsa ga Allah le Morongwa wa Gagwe), ka jalo boifang Allah mme lo tokafatse dikamano magareng ga baagelani ba lona, mme lo ikobele Allah le Morongwa wa Gagwe fa lo le badumedi."
وَاصْبِرْ نَفْسَكَ مَعَ الَّذِيْنَ يَدْعُوْنَ رَبَّهُمْ بِالْغَدٰوةِ وَالْعَشِيِّ يُرِيْدُوْنَ وَجْهَهٗ وَلَا تَعْدُ عَيْنٰكَ عَنْهُمْۚ تُرِيْدُ زِيْنَةَ الْحَيٰوةِ الدُّنْيَاۚ وَلَا تُطِعْ مَنْ اَغْفَلْنَا قَلْبَهٗ عَنْ ذِكْرِنَا وَاتَّبَعَ هَوٰىهُ وَكَانَ اَمْرُهٗ فُرُطًا
waṣbir nafsaka ma‘al-lażīna yad‘ūna rabbahum bil-gadāti wal-‘asyiyyi yurīdūna wajhahū wa lā ta‘du ‘aināka ‘anhum, turīdu zīnatal-ḥayātid-dun-yā, wa lā tuṭi‘ man agfalnā qalbahū ‘an żikrinā wattaba‘a hawāhu wa kāna amruhū furuṭā(n).
Mme o nne pelotelele, wena (Muhammad) le ba ba bitsang Morena wa bone mo mosong le maitseboa, ba solofetse go itumela ga gagwe; mme o se ka wa faposa matlho a gago mo go bone (gonne) ba solofela mabenyane a botshelo jwa lefatshe; mme o se ka wa latela ba dipelo tsa bone Re di tlhokomologileng go Re gakologelwa, mme o latele dikeletso tsa bone le ba maemo a bone a kgabagantseng mola.
وَوَصَّيْنَا الْاِنْسَانَ بِوَالِدَيْهِ حُسْنًا ۗوَاِنْ جَاهَدٰكَ لِتُشْرِكَ بِيْ مَا لَيْسَ لَكَ بِهٖ عِلْمٌ فَلَا تُطِعْهُمَا ۗاِلَيَّ مَرْجِعُكُمْ فَاُنَبِّئُكُمْ بِمَا كُنْتُمْ تَعْمَلُوْنَ
wa waṣṣainal-insāna biwālidaihi ḥusnā(n), wa in jāhadāka litusyrika bī mā laisa laka bihī ‘ilmun falā tuṭi‘humā, ilayya marji‘ukum fa'unabbi'ukum bimā kuntum ta‘malūn(a).
Mme Re dirile gore go nne tlamego gore batho ba (dire) batsadi ba bone molemo. Mme fa ba go pateletsa go nkamanya le sengwe se o se nang kitso ka sone, he o se ka wa ba ikobela. Ke go boela ga gago fela kwa go Nna, mme ke tla go bolelela se o se dirileng.
وَوَصَّيْنَا الْاِنْسَانَ بِوَالِدَيْهِۚ حَمَلَتْهُ اُمُّهٗ وَهْنًا عَلٰى وَهْنٍ وَّفِصَالُهٗ فِيْ عَامَيْنِ اَنِ اشْكُرْ لِيْ وَلِوَالِدَيْكَۗ اِلَيَّ الْمَصِيْرُ
wa waṣṣainal-insāna biwālidaih(i), ḥamalathu ummuhū wahnan ‘alā wahniw wa fiṣāluhū fī ‘āmaini anisykur lī wa liwālidaik(a), ilayyal-maṣīr(u).
Mme Re laetse motho (go dira molemo) mo batsading ba gagwe. Mmaagwe o ne a mo imile a le mo seemong sa bokoa jo bo ntseng bo oketsega, mme a mo kgwesa a le dingwaga di le pedi. Lebogang Nna le batsadi ba gago. Go boela ga gago go tla nna kwa go Nna fela.
وَاِنْ جَاهَدٰكَ عَلٰٓى اَنْ تُشْرِكَ بِيْ مَا لَيْسَ لَكَ بِهٖ عِلْمٌ فَلَا تُطِعْهُمَا وَصَاحِبْهُمَا فِى الدُّنْيَا مَعْرُوْفًا ۖوَّاتَّبِعْ سَبِيْلَ مَنْ اَنَابَ اِلَيَّۚ ثُمَّ اِلَيَّ مَرْجِعُكُمْ فَاُنَبِّئُكُمْ بِمَا كُنْتُمْ تَعْمَلُوْنَ
wa in jāhadāka ‘alā an tusyrika bī mā laisa laka bihī ‘ilmun falā tuṭi‘humā wa ṣāḥibhumā fid-dun-yā ma‘rūfā(n), wattabi‘ sabīla man anāba ilayya(a), ṡumma ilayya marji‘ukum fa unabbi'ukum bimā kuntum ta‘malūn(a).
Mme fa bobedi jwa tsone di go pateletsa go amanya balekane le Nna ka sengwe se o senang kitso ka sone, foo o se ka wa di ikobela, mme o di amanye sentle mo lefatsheng, mme o latele tsela ya ba ba boelang kwa go Nna. Foo go boela ga gago go Nna, ke gone Ke tla go bolelelang se o se dirileng.