اِنَّمَا حَرَّمَ عَلَيْكُمُ الْمَيْتَةَ وَالدَّمَ وَلَحْمَ الْخِنْزِيْرِ وَمَآ اُهِلَّ بِهٖ لِغَيْرِ اللّٰهِ ۚ فَمَنِ اضْطُرَّ غَيْرَ بَاغٍ وَّلَا عَادٍ فَلَآ اِثْمَ عَلَيْهِ ۗ اِنَّ اللّٰهَ غَفُوْرٌ رَّحِيْمٌ
innamā ḥarrama ‘alaikumul-maitata wad-dama wa laḥmal-khinzīri wa mā uhilla bihī ligairillāh(i), fa maniḍṭurra gaira bāgiw wa lā ‘ādin falā iṡma ‘alaih(i), innallāha gafūrur raḥīm(un).
Ruri, O go thibetse fela setopo, madi, nama ya kolobe le (nama) ya diphologolo tse di tlhabilweng ke (maina a) ba bangwe kwa ntle ga Allah. Mme le fa e le mang yo o patelediwang (go e ja), e seng ka gonne a e batla mme e seng (gape) go feta selekanyo, gona ga go na boleo mo go ene. Ruri, Allah ke Moitshwaredi, Moutlwelobotlhoko.
تِلْكَ حُدُوْدُ اللّٰهِ ۗ وَمَنْ يُّطِعِ اللّٰهَ وَرَسُوْلَهٗ يُدْخِلْهُ جَنّٰتٍ تَجْرِيْ مِنْ تَحْتِهَا الْاَنْهٰرُ خٰلِدِيْنَ فِيْهَا ۗ وَذٰلِكَ الْفَوْزُ الْعَظِيْمُ
tilka ḥudūdullāh(i), wa may yuṭi‘illāha wa rasūlahū yudkhilhu jannātin tajrī min taḥtihal-anhāru khālidīna fīhā, wa żālikal-fauzul-‘aẓīm(u).
Tseo ke melelwane (molao) wa ga Allah. Yo o utlwang Allah le Morongwa wa gagwe, o tla ba tsenya mo ditshingwaneng tse dinoka di elelang ka fa tlase ga tsone, ba tla nna mo go tsone ka bosakhutleng. Mme seo ke phenyo e kgolo.
يُرِيْدُ اللّٰهُ لِيُبَيِّنَ لَكُمْ وَيَهْدِيَكُمْ سُنَنَ الَّذِيْنَ مِنْ قَبْلِكُمْ وَيَتُوْبَ عَلَيْكُمْ ۗ وَاللّٰهُ عَلِيْمٌ حَكِيْمٌ
yurīdullāhu liyubayyina lakum wa yahdiyakum sunanal-lażīna min qablikum wa yatūba ‘alaikum, wallāhu ‘alīmun ḥakīm(un).
Allah o batla go go tlhalosetsa (molao wa Gagwe), le go go bontsha ditsela (tsa botshelo) tsa ba ba neng ba le teng pele ga gago (baporofeti le batho ba ba boifang Modimo) mme O amogela boikwatlhao jwa gago. Allah ke Moitse-Tsotlhe, O Botlhale-Tsotlhe.
سُوْرَةٌ اَنْزَلْنٰهَا وَفَرَضْنٰهَا وَاَنْزَلْنَا فِيْهَآ اٰيٰتٍۢ بَيِّنٰتٍ لَّعَلَّكُمْ تَذَكَّرُوْنَ
sūratun anzalnāhā wa faraḍnāhā wa anzalnā fīhā āyātim bayyinātil la‘allakum tażakkarūn(a).
(Eno ke) surah e re e senotseng mme ra e dira gore e nne tlamego (go diragatsa melao ya yone), mme re folositse mo go yone ditshupo tse di tlhapileng, gore lo gakologelwe.