وَلَقَدْ عَلِمْتُمُ الَّذِيْنَ اعْتَدَوْا مِنْكُمْ فِى السَّبْتِ فَقُلْنَا لَهُمْ كُوْنُوْا قِرَدَةً خٰسِـِٕيْنَ
wa laqad ‘alimtumul-lażīna‘tadau minkum fis-sabti faqulnā lahum kūnū qiradatan khāsi'īn(a).
Mme ruri, o ne o itse bao ba dirileng ditlolo mo gare ga lona ka Sabata, ka jalo Re ne ra ba raya ra re: "Nnang lona ditshwene tse di nyatsegang!"
وَسْـَٔلْهُمْ عَنِ الْقَرْيَةِ الَّتِيْ كَانَتْ حَاضِرَةَ الْبَحْرِۘ اِذْ يَعْدُوْنَ فِى السَّبْتِ اِذْ تَأْتِيْهِمْ حِيْتَانُهُمْ يَوْمَ سَبْتِهِمْ شُرَّعًا وَّيَوْمَ لَا يَسْبِتُوْنَۙ لَا تَأْتِيْهِمْ ۛ كَذٰلِكَ ۛنَبْلُوْهُمْ بِمَا كَانُوْا يَفْسُقُوْنَ
was'alhum ‘anil-qaryatil-latī kānat ḥāḍiratal-baḥr(i), iż ya‘dūna fis-sabti iż ta'tīhim ḥītānuhum yauma sabtihim syurra‘aw wa yauma lā yasbitūn(a), lā ta'tīhim - każālika - nablūhum bimā kānū yafsuqūn(a).
Mme o botse Bana ba Iseraele ka lefatshe le le leng gaufi le lewatle fa ba ne ba tlola melao ka Lamatlhatso, (e leng) fa ditlhapi di tla kwa go bone (tse di neng di le gaufi) di ne di kokobala mo godimo ga metsi, le fa ka malatsi a e neng e se Sabata ditlhapi di ne di sa tle kwa go bone. Ka jalo Re ne ra ba leka ka gonne ba ne ba dira bosula.
اِنَّمَا جُعِلَ السَّبْتُ عَلَى الَّذِيْنَ اخْتَلَفُوْا فِيْهِۗ وَاِنَّ رَبَّكَ لَيَحْكُمُ بَيْنَهُمْ يَوْمَ الْقِيٰمَةِ فِيْمَا كَانُوْا فِيْهِ يَخْتَلِفُوْنَ
innamā ju‘ilas-sabtu ‘alal-lażīnakhtalafū fīh(i), wa inna rabbaka layaḥkumu bainahum yaumal-qiyāmati fīmā kānū fīhi yakhtalifūn(a).
Eleruri, (go tlotla) Lamatlhatso ke tlamego fela mo bathong (Bajuta) ba ba e ganetsanang. Mme eleruri, Morena wa gago ruri o tla swetsa fa gare ga bone ka Letsatsi la Tsogo mabapi le se ba se ganetsanang.