وَوَهَبْنَا لَهٗٓ اِسْحٰقَ وَيَعْقُوْبَۗ كُلًّا هَدَيْنَا وَنُوْحًا هَدَيْنَا مِنْ قَبْلُ وَمِنْ ذُرِّيَّتِهٖ دَاوٗدَ وَسُلَيْمٰنَ وَاَيُّوْبَ وَيُوْسُفَ وَمُوْسٰى وَهٰرُوْنَ ۗوَكَذٰلِكَ نَجْزِى الْمُحْسِنِيْنَۙ
wa wahabnā lahū isḥāqa wa ya‘qūb(a), kullan hadainā wa nūḥan hadainā min qablu wa min żurriyyatihī dāwūda wa sulaimāna wa ayyūba wa yūsufa wa mūsā wa hārūna wa każālika najzil-muḥsinīn(a).
Mme Ra mo naya Isaka le Jakobe. Mongwe le mongwe wa bone Re mo neile kaelo; mme pele ga moo Re ne ra naya Noa kaelo, le bangwe ba ditlogolwana tsa gagwe (Ibrahime), e leng Dawud, Sulayman, Ayyub, Yusuf, Musa le Harun. Mme jalo Re duela ba ba dirang molemo, .
قَالَ يٰقَوْمِ اَرَءَيْتُمْ اِنْ كُنْتُ عَلٰى بَيِّنَةٍ مِّنْ رَّبِّيْۗ وَاٰتٰىنِيْ مِنْهُ رَحْمَةً فَمَنْ يَّنْصُرُنِيْ مِنَ اللّٰهِ اِنْ عَصَيْتُهٗ ۗفَمَا تَزِيْدُوْنَنِيْ غَيْرَ تَخْسِيْرٍ
qāla yā qaumi ara'aitum in kuntu ‘alā bayyinatim mir rabbī, wa ātānī minhu raḥmatan famay yanṣurunī minallāhi in ‘aṣaituh(ū), famā tazīdūnanī gaira takhsīr(in).
O (Saleh) a re, "O batho ba me! Ntlhalosetse gore fa ke na le bosupi jo bo tlhamaletseng go tswa go Morena wa me mme a nneile tshegofatso (boporofeti) go tswa go Ene, he ke mang yo o tla nthusang go tswa go (kotlhao ya) Allah fa ke sa mo ikobele? Foo o tla oketsa fela ditatlhegelo tsa me."
فَلَمَّا اعْتَزَلَهُمْ وَمَا يَعْبُدُوْنَ مِنْ دُوْنِ اللّٰهِ ۙوَهَبْنَا لَهٗٓ اِسْحٰقَ وَيَعْقُوْبَۗ وَكُلًّا جَعَلْنَا نَبِيًّا
falamma‘tazalahum wa mā ya‘budūna min dūnillāh(i), wahabnā lahū isḥāqa wa ya‘qūb(a), wa kullan ja‘alnā nabiyyā(n).
Ka jalo fa ene (Ibrahim) a sena go ikatoganya le bone le se ba neng ba se obamela kwa ntle ga Allah, Re ne ra mo abela Isake le Jakobe. Mme Re ne ra tlhoma mongwe le mongwe wa bone go nna moporofeti.
وَوَهَبْنَا لَهُمْ مِّنْ رَّحْمَتِنَا وَجَعَلْنَا لَهُمْ لِسَانَ صِدْقٍ عَلِيًّا ࣖ
wa wahabnā lahum mir raḥmatinā wa ja‘alnā lahum lisāna ṣidqin ‘aliyyā(n).
Mme Ra ba abela bonngwe jwa bopelotlhomogi jwa Rona mme Ra ba dira leungo la puo e e molemo le e e tlotlegang.
وَوَهَبْنَا لَهٗ مِنْ رَّحْمَتِنَآ اَخَاهُ هٰرُوْنَ نَبِيًّا
wa wahabnā lahū mir raḥmatinā akhāhu hārūna nabiyyā(n).
Mme Re mo abetse bontlhanngwe jwa tshegofatso ya Rona, e leng (gore) morwarraagwe, Harun, a nne moporofeti.
وَوَهَبْنَا لَهٗٓ اِسْحٰقَ وَيَعْقُوْبَ نَافِلَةً ۗوَكُلًّا جَعَلْنَا صٰلِحِيْنَ
wa wahabnā lahū isḥāqa wa ya‘qūba nāfilah(tan), wa kullan ja‘alnā ṣāliḥīn(a).
Mme Re ne ra mo naya (Ibrahim) Isaka le Jakobe, e le mpho. Mme Re dirile mongwe le mongwe wa bone motho yo o siameng.
فَاسْتَجَبْنَا لَهٗ ۖوَوَهَبْنَا لَهٗ يَحْيٰى وَاَصْلَحْنَا لَهٗ زَوْجَهٗۗ اِنَّهُمْ كَانُوْا يُسٰرِعُوْنَ فِى الْخَيْرٰتِ وَيَدْعُوْنَنَا رَغَبًا وَّرَهَبًاۗ وَكَانُوْا لَنَا خٰشِعِيْنَ
fastajabnā lah(ū), wa wahabnā lahū yaḥyā wa aṣlaḥnā lahū zaujah(ū), innahum kānū yusāri‘ūna fil-khairāti wa yad‘ūnanā ragabaw wa rahabā(n), wa kānū lanā khāsyi‘īn(a).
Ka jalo Re ne ra araba (thapelo) ya gagwe, mme ra mo naya Yahya, mme ra dira mosadi wa gagwe (go kgona go ima). Eleruri, ka metlha ba itlhaganelela go (dira) molemo, mme ba Ro rapela ka tsholofelo e kgolo le tlhobaelo. Mme ke bao ba ineetseng mo go Rona.
وَوَهَبْنَا لَهٗٓ اِسْحٰقَ وَيَعْقُوْبَ وَجَعَلْنَا فِيْ ذُرِّيَّتِهِ النُّبُوَّةَ وَالْكِتٰبَ وَاٰتَيْنٰهُ اَجْرَهٗ فِى الدُّنْيَا ۚوَاِنَّهٗ فِى الْاٰخِرَةِ لَمِنَ الصّٰلِحِيْنَ
wa wahabnā lahū isḥāqa wa ya‘qūba wa ja‘alnā fī żurriyyatihin nubuwwata wal-kitāba wa ātaināhu ajrahū fid-dun-yā, wa innahū fil-ākhirati laminaṣ-ṣāliḥīn(a).
Mme Re ne ra abela Aborahame, Isaka le Jakobe, mme ra dira moporofeti le buka ya ditlogolwana tsa gagwe, mme ra mo naya tuelo ya gagwe mo lefatsheng; mme eleruri o tla nna mo gare ga badumedi mo botshelong jwa morago ga loso.
وَوَهَبْنَا لِدَاوٗدَ سُلَيْمٰنَۗ نِعْمَ الْعَبْدُ ۗاِنَّهٗٓ اَوَّابٌۗ
wa wahabnā lidāwūda wa sulaimān(a), ni‘mal-‘abd(u), innahū awwāb(un).
Mme Dafita ra mo naya Solomone; e ne e le motlhanka yo o gaisang botlhe. Eleruri, o ne a le kutlo (go Allah).
وَوَهَبْنَا لَهٗٓ اَهْلَهٗ وَمِثْلَهُمْ مَّعَهُمْ رَحْمَةً مِّنَّا وَذِكْرٰى لِاُولِى الْاَلْبَابِ
wa wahabnā lahū ahlahū wa miṡlahum ma‘ahum raḥmatam minnā wa żikrā li'ulil-albāb(i).
Mme Ra mo segofatsa (ka go kopanya gape) ba lelapa la gagwe mme Ra atisa palo ya bone, jaaka kutlwelobotlhoko e e tswang mo go Rona le thuto go ba ba itekanetseng mo tlhaloganyong.